
Lauren Bennett O Tlogetse Lefatshe A Le Dingwaga di le 37
Lauren Bennett, o tlhokafetse a na le dingwaga di le 37.
Lauren Bennett o ne a itsege thata ka go opela mo pineng e e tumileng ya LMFAO, Party Rock Anthem, e e neng ya nna nngwe ya dipina tse dikgolo mo lefatsheng ka 2011.
Dikgang tsa loso lwa gagwe di netefaditswe ke maloko a setlhopha sa basetsana sa G.R.L., ba ba mo tlotlileng e le motho yo o neng a tletse lorato, boitumelo le talente.
Lebaka la loso lwa gagwe ga le ise le itsisiwe ke ba lelapa kgotsa baemedi ba gagwe.
Ntle le katlego ya gagwe le LMFAO,Lauren Bennett o ne a nna leloko la G.R.L.
O ne gape a dira le bataki ba bangwe ba ba tumileng mo indastering ya mmino, a tlogela boswa jo bo tla tswelelang go gopolwa ke balatedi ba gagwe.
- BUISA GAPE:Â Kim le Kanye Ba Tshwaiwa Monwana Ka Morwadie North
Blatedi le bataki ba le bantsi ba rometse melaetsa ya matshidiso, ba gopola Lauren e le moopedi yo a neng an ama dipelo tsa batho ka lentswe la gagwe le botho jwa gagwe.
