
Gareth Cliff o bua kma ga Nota Baloyi
Badirisi ba metswedi ya dikgang ba ngangisana ka dikakgelo tsa ga Gareth Cliff ka ga Nota Baloyi.
Bosheng jaana Cliff o ne a bitsa Nota a re ke motho yo o tlhaolang batho ka lotso.
Mme o ne a ikana gore ga a kitla a tlhola a laletsa moeteledipele yono wa mmino mo thulaganyong ya gagwe.
Bosheng jaana, motho mongwe yo o itsegeng thata mo metsweding ya tshedimosetso e bong Gareth Cliff o ne a tlhalosa se a se akanyang ka ga Nota Baloyi.
Nota o ne a tsena mo mathateng ka ntlha ya se a se buileng ka batho ba basweu.
Fa a ne a bua mo potsolotsong ya DJ Sbu’s Hustler’s Corner.
Nota o ne a re basweu ba mo Afrika Borwa ba kwa tlase. O ne a re:
“Bothata jo rona batho ba Afrika Borwa re nang le jone gone jaanong ke gore ga re tlhaloganye batho ba basweu.
[Batho ba basweu] ke batho ba maemo a a kwa tlase mo go rona.
Re batho ba ba nang le tlhaloganyo, mme bone ba na le madi a Ba-Neanderthal”.
Polelo ya ga Nota e ne ya dira modumo mo metsweding ya dikgang.
Mme Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa e ne ya ntsha polelo e e senolang gore naledi e ne e ntse e batlisisiwa.
E bile o ne a bonwa ke ramatlotlo wa kwa Amerika e bong Elon Musk morago ga polelo eo.
Gareth Cliff o ne a akgela ka mafoko a ga Nota.
Mme a bua gore ke motho yo o tlhaolang batho ka lotso.
O ne a ba a oketsa ka gore le ka motlha a ka se laletse Nota go tla mo tiragalong ya gagwe.
BUISA GAPE: SANDF mo mogwantong wa JusticeForCwecwe
Motswedi: http://www.briefly.co.za
Thanolo ka ga Onkarabole Manganye
