
SANDF mo mogwantong wa JusticeForCwecwe
Mo mogwantong wa go betelela mosetsana wa dingwaga tse supa kwa Matatiele, kwa Kapa Botlhaba, South African National Defence Force (SANDF) e ne ya bonwa, e e neng ya tsosa dipotso.
Mekgatlho ya sepolotiki e ne ya galefisiwa ke go nna teng ga SANDF.
Mme ya batla dikarabo go tswa go African National Congress (ANC) le Moporesidente Cyril Ramaphosa.
Batho ba ne ba latofatsa Ramaphosa ka gore ke ene a rometseng masole ka gore ke ene fela, mmogo le Palamente, yo o ka dirang jalo.
Batho ba ba neng ba le gone mo mogwantong oo ba ne ba tlhagisa batho.
Ba latofatsa poresidente ka gore o tsieditse baagi ba naga ya gagwe.
Mo lekwalong le le neng le kwaletswe sebui sa Kokoano ya Bosetšhaba, Economic Freedom Fighters (EFF) e ne ya batla dikarabo.
“Go ya ka karolo 201 ((2) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, 1996.
Ke Moporesitente fela yo a ka letlelelang tiriso ya sesole ka tirisanommogo le tirelo ya sepodisi.”
Go buiwa jalo mo lekwalong.
“Mo godimo ga moo, karolo 201 (3) e laela gore fa masole a tshireletso a dirisiwa jaaka go akanngwa mo karolwaneng (2).
Moporesidente o tshwanetse go itsise Palamente ka bonako le ka botlalo”.
Ka go tshwana, ActionSA e ne ya kwalela Tona ya Tshireletso go kopa tlhaloso.
BUISA GAPE: Kwesta le Nkosazana Daughter ba nale pina e ntšha
Motswedi: http://www.msn.com
Thanolo ka ga Onkarabile Manganye
