Uyanda Hlangabezo o bua ka leeto la gagwe

Uyanda Hlangabezo, motshameki wa bobedi wa Big Brother Mzansi Season 5.

O tlhageletse go tswa mo lenaneong la thelebišene jaaka motho yo o tlhotlheletsang.

A kgatlha babogedi ka boikemisetso jwa gagwe le go nna montle.

Hlangabezo o ne a bua ka maitemogelo a gagwe mo ntlong ya Big Brother.

Dikgwetlho tse a neng a lebana le tsone, le maano a gagwe a bokamoso.

Nako e Hlangabezo a neng a e fetsa a le mo ntlong e ne e sa tshwane le go tsamaya fela mo parakeng.

Fa a ne a kgerisiwa ke batho ba a neng a nna le bone mo ntlong, o ne a bontsha bopelokgale jo bogolo ka go emela se a se dumelang.

“Sengwe le sengwe se ke se itemogetseng mo ntlheng eno se ne se diretswe nna gore ke se itemogele”

O ne a akanya jalo.

O dumela dithuto tse di thata tse a di ithutileng ka nako ya fa a ne a nna le batho ba a sa ba itseng dibeke di le lesome.

E re ka a ne a tlwaetse botshelo jwa gagwe jwa go bereka diura di le robedi ka letsatsi.

Go ne go se motlhofo gore a tlwaele botshelo jwa go tshameka metshameko eno ya thelebishene.

Le fa go ntse jalo, o ne a itshoka, a nna le kitso e e botlhokwa e e ileng ya mo thusa thata gore a gole semoyeng.

Motswedi: http://www.iol.co.za

Thanolo ka Onkarabile Manganye