
Afriforum ere ga e emele mmeteledi | #JusticeForCwecwe
AfriForum e amogetse dikganetso go tswa mo bathong mabapi le kgang ya ga Cwecwe.
Cwecwe ke mosetsana wa dingwaga tse supa yo go neng ga twe o betetswe kwa Bergview College kwa Matatiele kwa Kapa Botlhaba.
Mogokgo wa sekolo o emetswe ke AfriForum mo kgannyeng e e amogetseng tshwaelo ya setshaba ka #JusticeforCwecwe.
“Lefapha la Tsheko ya Poraefete la AfriForum le emela mogokgo wa kholetÅ¡he ya Bergview kgatlhanong le go sa dirise thulaganyo sentle.
Re bolela re sa okaoke gore ga a latofadiwe ka petelelo.
Makwalo a rona a semolao a tla bontsha kafa re lebang dilo ka teng le tsela e re dirang dilo ka yone.
PPU ga e ise e ko e emele batho ba ba latofadiwang ka go betelela.
E bile ga e ise e ko e dire jalo mo nakong e e fetileng”
Go ne ga bolela jalo manejara wa tsa tlhaeletsano, Barry Bateman.
MEC wa Thuto wa Kapa Botlhaba Fundile Gade o ne a bolela gore mogokgo wa sekolo o ne a belaelwa.
Mme o ne a tla tshwarwa.
“Mo bekeng eno, o tla isiwa kwa kgotlatshekelo kana o tla tshwarwa.
Ke motho yo o belaelwang.
Mme o ne a sa bega kgang ya ngwana yo mo e ka nnang kgwedi le sephatlo go fitlha ditheo tsa puso di amogela tshedimosetso ka motsadi”
Gade o ne a bolelela Newzroom Afrika.
“O ne a leka go iphitlha ka go sireletsa leina la sekolo ka go senya bana.
Ke tshwenyegile thata ka pabalesego ya ba ba iseng ba bege gore ba ile ba betelelwa kwa sekolong”. Gade o ne a akantsha gore balaodi ba ne ba tla senola sengwe se se tshosang malebana le dipatlisiso tsa kgetsi eno, sekolo le mogokgo wa sone.
BUISA GAPE:Will Smith o ntsha alebamo
Source:http://iol.co.za
Translator: Onkarabile Manganye
