
Val Kilmer o tlhokafetse ka dingwaga dile 65
Motshameki mongwe wa dibaesekopo wa kwa Hollywood e bong Val Kilmer, o tlhokafetse a na le dingwaga di le 65.
Motshameki yo o itsegeng wa dibaesekopo yo o itsegeng ka go tshameka dikarolo tse di tlhomologileng jaaka Batman le Tom ‘Iceman.
Kazansky mo go Top Gun, o tlhokafetse ka Labobedi morago ga go lwantshana le kankere ka lobaka lo loleele.
Kilmer o ne a bolelelwa gore o na le kankere ya mometso ka 2015.
Go ya ka Hollywood Reporter, mo bidiong e e buang ka botshelo jwa gagwe, e e neng ya bontshiwa kwa Cannes ka July 2021, Kilmer o ne a bonwa a tlhoka go tsenngwa tšhupu ya go hema.
Kilmer o goletse kwa San Fernando Valley.
Go ya ka Bang Showbiz, ka January 2015, Kilmer o ne a isiwa kwa bookelong.
Seno ke morago ga gore a tswe madi mo mometsong.
Fa a ne a kwala mo tsebeng ya gagwe ya Facebook ka nako eo, Kilmer o ne a re:
“Ke tsogile sentle batho ba me.
ke lo leboga thata ka ntlha ya lorato lwa lona le go nkema nokeng.
Ee ke a itumela tota.
Mme ke tshwanetse go umaka gore ga ke na kankere kana tlhagala”.
Thanolo ka ga Onkarabile Manganye
