Uncategorised

Bakaulengwe bag a Menendez ba tla ya kgotlhetshekelong

Moatlhodi o tla dira tshwetso ka Labotlhano gore a Erik le Lyle Menendez.

Ba ba neng ba bonwa molato wa go bolaya batsadi ba bone, ba tla atlholwa gape.

Tshwetso eno e ne ya dirwa morago ga gore mosekisi yo mosha wa kgaolo ya Los Angeles a ganetse gore ba gololwe.

Morago ga gore bakaulengwe bano ba fetse dingwaga di le 30 ba le mo kgolegelong.

Bakaulengwe ba ga Menendez ba ne ba atlholelwa botshelo jotlhe kwa kgolegelong ba sa kgone go gololwa ka parole.

Morago ga go bonwa molato wa go bolaya batsadi ba bone, Jose le Kitty Menendez, ka 1989.

Go ne ga ganediwa gore ba ne ba itshireletsa.

Morago ga gore rraabone a ba sotle ka tlhakanelodikobo dingwaga di le dintsi,.

Fa basekisi bone ba ne ba ganetsa ka gore ba bolaile batsadi ba bone gore ba bone boswa.

George Gascón yo e kile ya bo e le Mosekisi wa Kgaolo wa Los Angeles County.

Gascón o ne a kopile moatlhodi gore a fetole katlholo ya bona go nna dingwaga tse 50 go ya go botshelo jotlhe.

E leng se se neng se tla dira gore ba kgone go gololwa ka bonako go ya ka molao wa California.

Le fa go ntse jalo, mo kgweding e e fetileng, Hochman o ne a romela kopo ya gore kopo eo e phimolwe.

A bolela gore ga a tshegetse gore bakaulengwe ba atlholwe gape.

BUISA GAPE: Gareth Cliff o bua kma ga Nota Baloyi

Motswedi: http://www.msn.com

Thanolo ka ga Onkarabile Manganye