Lebo M o buletse mosadi wa gagwe wa maloba kgetsi

Lebo M, yo e leng motlhami wa “The Lion King” yo o ileng a gapa dikgele.

O ile a bula kgetsi kgatlhanong le mosadi wa gagwe wa maloba, e bong Pretty Samuels.

Seno ke ka ntlha ya go bo a ne a latofadiwa ka gore o utswitse piano ya gagwe e kgolo ya Blüthner.

Kgetsi eno, e e simolotsweng kwa seteisheneng sa mapodise sa Sandton.

E simolotse morago ga gore banyalani bano ba tlhalane ka tsela e e botlhoko.

Go ya ka setlhopha sa babueledi sa ga Lebo M:

Piano e kgolo eno ga e ise e ko e nne karolo ya tumalano epe ya go rarabolola kgang eno.

Mme go nyelela ga yone gone jaanong go fetogile kgang ya semolao le ya bokebekwa.

Go begwa gore piano e e timetseng e bonwe ka Mantaga, Moranang 1, ke Khanyi Serakoeng, yo o dirang jaaka motlhakanedi wa porojeke ya Lebo M.

O ne a lemoga gore seletswa seo se ne se seyo fa a ne a baakanyetsa go dira mmogo le motlhami wa mmino wa kwa Hollywood e bong Hans Zimmer.

Mo go neng go rulaganyeditswe go tshwarwa ka April 18 kwa GrandWest Arena kwa Cape Town.

Eno ga se piano fela e e tlwaelegileng.

Piano e kgolo ya Blüthner e e dirilweng kwa Jeremane e tsewa e le nngwe ya diletswa tsa maemo a a kwa godimo le tse di nang le bokao jwa hisitori mo lefatsheng.

Gantsi e tlhalosiwa e le “Rolls-Royce” ya di-piano.

BUISA GAPE:Kgotlatshekeloe tlaa reetsa boikuelo jwa bogosi jwa MaZulu

Motswedi:http://www.msn.com

Thanolo ka ga Onkarabile Manganye