
Gogo Skhotheni le Gogo Maweni ba entse kagiso.
Gogo Maweni le Gogo Skhotheni, e leng dingaka tse itsegeng thata, ba feditse kgotlhang ya bone ka go letlana.. Kgogakgogano ya ga Gogo Maweni le Gogo Skhotheni e simolotse ka 2023 ka ntlha ya ditatofatso tsa go kopisa. Skhotheni o ne a latofatsa Maweni ka gore o kopile sesepa sa gagwe. Kajalo, seo sa dira gore batho ba le bantsi ba arabe mo metsweding ya dikgang. Kganetsano eno e ne ya fetoga ntwa ya TikTok ka go tlhapatsa bana le banna ba ba bone.
Kgaotlhang e ne ya khutla fa ba ne ba buisana ka tlhamalalo mo go TikTok ba itsise gore ba utlwana. Gogo Skhotheni o ne a kopa maitshwarelo mo monneng wa ga Gogo Maweni. O kopa maitshwarelo ka a kile a mo tlhapatsa mo nakong e e fetileng, dira seo phatlalatsa. Maweni o ne a dumela gore o dirile phoso mme a gatelela go rarabolola mathata ka go buisana le ene ka tlhamalalo. Sangoma tse pedi di ne tsa dumalana gore kgotlhang eno e ne e theilwe mo maakeng le mo tshedimosetsong e e seng yone.
Poelano ya Gogo Skhotheni le Gogo Maweni e tshwaya kgaolo e ntšhwa mo ditirong tsa bone jaaka dingaka tsa setso.
BUISA GAPE: https://boitumediso.co.za/2025/02/20/khanyi-mbau-le-kudzai-ba-kopana-gape-morago-ga-go-kgaogana/
Source: iol.co.za
Translator: Onkarabile Manganye
