
Trikamjee o tlhokafala morago ga bolwetse jo bo khutswane
Batho ba tsa molao le ba bodumedi ba hutsafaditswe ke go tlhokafala ga moeteledipele yo o tlhomologileng, Ashwin Trikamjee.
Trikamjee, o tswa kwa Morningside.
O ne a tlhokafala kwa bookelong mo mosong wa Labone morago ga go lwala ka lobakanyana.
Ditebogo di ntse di oketsega fa e sa le dikgang tsa loso lwa gagwe di itsisiwe.
Moporesitente Cyril Ramaphosa o ne a neela balelapa la ga Trikamjee, ditsala le badirimmogo le ene matshediso.
A mo tlhalosa jaaka “sekai se se tlhomologileng sa go direla setÅ¡haba sa rona”.
“Go ineela ga ga Rre Trikamjee mo dilong tsa semoya go ne go feta go nna Mo-Hindu ga gagwe.
O ne a buelela go itshokelana le go dirisana mmogo ga ditumelo tse di farologaneng.
Ashwin Trikamjee o ne a tshela botshelo jwa go dira dilo tse di farologaneng.
Dilo tse a neng a di dira go tokafatsa matshelo a baagi le go nna le seabe mo mekgatlhong e a neng a direla mo go yone.
Re tla tlhologelelwa go nna teng ga gagwe ka bonolo, a ritibetse maikutlo.
Kgakololo ya gagwe e e botlhale le tirelo ya gagwe e e boikokobetso.
A mowa wa gagwe o robale ka kagiso”, Ramaphosa a rialo.
Trikamjee, yo o nang le dingwaga di le 80, e ne e le moeteledipele wa Hindu Maha Sabha ya Afrika Borwa.
E bile e le mogakolodi yo mogolo kwa Garlicke & Bousfield yo o neng a iketleeleditse go rarabolola dikgotlhang tsa kgwebo le molao wa lekgetho.
O ne a kile a direla mo dikomiting tsa makgotla a le mmalwa a a amanang le puso le dikhampani tse dikgolo.
Buisa Gape:Go Tyme ya ga Patrice Motsepe
Source: http://ww.msn.com
Translator: Onkarabile Manganye
