
Schoeman o tshwaya Malema phoso
Mogale wa maloba wa motshameko wa go thuma wa Olympic Roland Schoeman o tshwaile moeteledipele wa Economic Freedom Fighters (EFF) Julius Malema ka bogale ka go opela pina e e tshosang ya ntwa “Kill the Boer, Kill the Farmer” ka nako ya segopotso sa Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho mo Afrika Borwa.
Fa a ne a kwala mo go Twitter (X), Schoeman o ne a supa bogale jwa gagwe ka se a neng a se bitsa boitimokanyi jwa go tlotlomatsa ditshwanelo tsa botho fa go ntse go twe o rotloetsa tirisodikgoka.
Julius Malema le pina “Kill the Boer, Kill the Farmer” ka Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho ke matlhabisa ditlhong.
Ga go na sepe se se supang boitimokanyi jo bogolo go feta go tlotlomatsa “ditshwanelo tsa botho” fa o ntse o rotloetsa thubakanyo kgatlhanong le setlhopha sa batho.
O ne a kwala.
Schoeman o ne a tswelela pele a bolela gore pina eno ga se fela pina ya ntwa ya hisitori.
Ke sedirisiwa sa sepolotiki se se dirisiwang ka boomo go jala dikgaogano le letlhoo la bomorafe.
“Pina eno ga se fela pina ya bogologolo ya ntwa.
Ke sedirisiwa sa sepolotiki se se dirisiwang ka boomo go baka dikgaogano le go tsweletsa letlhoo la bomorafe.
Fa Aforika Borwa e ntse e lwantshana le mathata a mmatota – bosenyi, bonweenwee, go phutlhama ga ikonomi –
Malema o tlhopha go kopanya balatedi ba gagwe ka letlhoo, e seng ka tharabololo.”
O ne a oketsa jaana.
”Fa e le gore ditshwanelo tsa botho di na le bokao, di tshwanetse go dira mo bathong botlhe ba Afrika Borwa.
E seng fela fa di tsamaisana le thulaganyo ya sepolotiki”.
Kganetsano ya Setšhaba e a Tswelela, e Letile Karabo ya EFF
Malema le EFF ga ba ise ba arabele tshotlo ya ga Schoeman ka semmuso.
Buisa Gape:Trikamjee o tlhokafala morago ga bolwetse jo bo khutswane
Source:http://briefly.com
Translator: Onkarabile Manganye
