Mokwadi o ratiwang o tlhokafetse

Mokwadi yo o rategang L.J. Smith o tlhokafetse a na le dingwaga di le 66.

Morago ga go lwa le bolwetse bongwe jo bo sa tlwaelegang.

Smith o ne a itsege thata e le mokwadi wa buka ya The Vampire Diaries.

Buka e e neng ya rekisiwa ka dikhopi di le dimilione.

 Mme ya nna thulaganyo e e tumileng thata ya thelebishene.

Lokwalodikgang lwa New York Times lo bega gore mokwadi yono gape o ne a itsege e le mokwadi yo o dirang tiro ya gagwe a sa dirwe ke ope, yo o neng a kgona go dira gore batho ba a neng a ba kwala ba boe gape fa a sena go kobiwa mo tirong kgotsa fa a sena go emisediwa ka yo mongwe.

Smith o ne a tlhokafala ka March 8 kwa Walnut Creek, California.

Mme molekane wa gagwe Julie Divola o ne a itsise loso lwa gagwe mo bekeng eno.

A bolela gore o tlhokafetse morago ga go lwantshana le bolwetse jwa autoimmune ka dingwaga tse di fetang lesome.

Mokwadi yono o ne a rekisa dibuka di le dimilione.

Mme a gatisa dibuka di feta masome a mabedi mo tirong ya gagwe.

Mme go begwa gore o ne a feditse dibuka tse dingwe tse tharo tse di neng di ise di gatisiwe pele a tlhokafala. O simolotse ka 1987 morago ga go gatisa ‘The Night of the Solstice’, e e neng ya rekisiwa ka dikhopi di ka nna 5,000 fela, mme ya ngoka tlhokomelo ya khampani ya dibuka ya Alloy Entertainment.

Buisa Gape:Yunibesithi ya Stellbosch e tlotlomatsa Butler

Source:http://www.msn.com

Translator: Onkarabile Manganye