Kamano ya ga Cindy Mahlangu le Shein

Motshameki wa Aforika Borwa e bong Cindy Mahlangu o dirile mmogo le morekisi yo o itsegeng wa mo inthaneteng e bong Shein go senola kgobokanyo e e kgethegileng ya SHEINxCindyMahlangu.

Ka go tlhotlhelediwa ke difeshene tse di farologaneng, motseletsele ono o solofetsa mefuta e e farologaneng ya diaparo.

Go simolola ka tsa maemo a a kwa godimo go ya go tse di nang le maikutlo a a botsalano le tsa mo mebileng.

Shein o ne a bua jaana mo tsebeng ya bone ya semmuso ya X, a gatelela tiro eno e ntšha:

 “Nna o le bothitho mme o nne o le setaele le Cindy”.

Mokgwa ono wa go dira dilo ka tsela e e dirang le wa go nna le setaele o tsamaisana sentle le feshene ya gone jaanong.     

E mo go yone bareki ba batlang dilo tse di iketlileng le tse di mo fesheneng fa dipaka tse di tsididi di simolola.

SheinxCindyMahlangu Lookbook e bontsha diaparo di le 21 tse di farologaneng.

Diaparo tse di supang tsela e motho a lebegang ka yone.

Setlhopha sengwe le sengwe se bontsha mekgwa e e farologaneng e e tlhalosang setlha.

E e tlisiwang ke go nna teng ga Mahlangu ka tsela e e kgatlhang.

“Ke itumetse thata go nna karolo ya letsholo leno le Shein.

Feshene e re letla go bontsha dikarolo tse di farologaneng tsa se re leng sone.

mme buka eno ya tebego e bontsha seo ka tsela e e kgatlhang, e ka tswa o ikutlwa o le pelokgale e bile o le montle”,

Go ne ga akgela jalo Mahlangu.

Moreki mongwe yo o tlhagafetseng, @i_am_khay_rsa, o ne a kwala jaana:

“Sutu eno e e tswang mo go SHEIN X Cindy Mahlangu ke sengwe le sengwe”.

Ditebego tsotlhe di tlhophilwe go tswa mo mabenkeleng a feshene a Anewsta, Slaydiva, Dazy, Shein Icon le Shein Sxy.

Buisa Gape: Schoeman o tshwaya Malema phoso

Source:http://www.msn.com

Translator: Onkarabile Manganye