Athol Fugard o tlhokafala a le dingwaga di le 92

Athol Fugard o tlhokafetse kwa Stellenbosch ka Sontaga. O ne a na le dingwaga di le 92. Fugard o ne a itsiwe boditšhabatšhaba. E ne ele mongwe wa batho ba ba itsegeng thata ba diterama tsa Seesemane mo Afrika Borwa.

Mokwadi wa diterama wa mo Afrika Borwa, motshameki le motsamaisi.

Athol Fugard o tlhokafetse kwa legaeng la gagwe kwa Stellenbosch ka Sontaga. O ne a na le dingwaga di le 92.

Harold Athol Lanigan Fugard o belegwe ka Seetebosigo 1932 kwa Middelburg kwa Kapa Botlhaba.

 O ne a tsena sekolo kwa Marist Brothers College kwa Port Elizabeth, e jaanong e leng Gqeberha. Moragonyana a ithutela kwa Yunibesithing ya Cape Town.

Ka 1956, Fugard le mosadi wa gagwe wa nako eo e bong Sheila Meiring ba ne ba tlhoma Circle Players. Moragonyana banyalani ba ne ba fudugela kwa Johannesburg. Fugard o ne a dira jaaka tlelereke ya kgotlatshekelo kwa Johannesburg ka 1958.

Kitsiso ya gagwe ya Order of Ikhamanga e ne ya re: “O ne a simolola go lemoga go tlhoka tshiamiso ga tlhaolele. Seno e ne ya nna motheo wa tiro ya gagwe e ntsi, le fa gone a ise a ko a nne motho yo o ratang go ngangisana fela mme go na le moo, e ne e le motlhatlhobi yo o tlhoafetseng wa batho le mathata a bone le setšhaba.

Fugard, yo gantsi a bapisiwang le Tennessee Williams, o kile a bolela gore mo kgannyeng ya gagwe, “lefelo la gagwe la mmatota jaaka mokwadi wa diterama ke lefatshe la diphiri le le nang le tlhotlheletso e e maatla mo boitshwarong jwa batho le go tshwenngwa ke go senolwa ga tsone”.

Tiro Ya Ga Fugard

Tiro ya ga Fugard ya bogologolo e ne e akaretsa The Blood Knot, e e neng ya direlwa mo seraleng ka 1961 kwa Lontone le New York. E ne e bua ka kgang ya bakaulengwe ba babedi ba ba neng ba sa dumalane ka lotso.

Motshameko o o latelang mo motseletseleng ono e ne e le wa Hello and Goodbye. O ne wa latelwa ke wa Boesman le Lena. Moragonyana di ne tsa gatisiwa e le Three Port Elizabeth Plays.

BUISA GAPE: Hisitori ya Kgotlhang ya ga Tupac le Biggie

Source: www.msn.com

Translator: Onkarabile Manganye