Dijo

Resipe ya Maotwana le Malana e e Bonolo

Mala le maotwana a koko ke dijo tse diratang ke batho ba le bantsi go ralala Aforika.

Ke sejo se se motlhofo go se apeya. Fa se apeilwe sentle, se monate thata.

Se jewa ka boogobe go le gantsi.

Batho ba bangwe ba rata go se tsamaisa le atchaar.

Eno ke tsela e e motlhofo ya go apaya .

 

Diteng

 

  • 1 kg Mala (a phepafaditswe) o se ka wa ntsha mafura
  • 1 kg maotwana a dikoko (a a phepafaditsweng)
  • Leswana la tee le le lengwe la poere ya khari
  • Sepaese sa nama ya koko
  • Leswana le le lengwe la  Paporika
  • Khubiki e le nnge ya nama ya kgomo
  • Leswana la tee le le lengwe la  oreganum
  • Pepere e ntsho
  • Eeie
  • Letswai
  • Kopi ya metsi

 

Ditaelo tsa go apaya

  1. Apaya mala le maotwana a koko mmogo, o se ka wa tsenya metsi.
    BUISA GAPE: Mogolo o oTlhokegang go Reka Audi A1 e Ntšha mo SA
  2.  Apaya go fitlha metsi a a tswang mo maleng a kgala, go tswa foo o tshele eeie.
  3. Morago o tshele dipaese le khubiki ya gago.
  4. Mala le maotwana a koko di tla simolola go butswa.
  5. Go tswa foo o tshele metsi le letswai le pepere.
  6. Apaya go fitlha moro o nna thata.