Dinaledi Tsa Maskandi di Tshegetsa Lelapa la Scebi Dlamini

Ditlhompho di tswelela go tshologela moswi seopedi sa Maskandi Scebi “Inkosi yamaGcokama” Dlamini morago ga loso lwa gagwe.

Lelapa la seopedi kwa emaChunwini, kwa Msinga, le amogetse tshegetso go tswa go baeteledipele ba baagi le bataki ka bone.

Mmasepala wa Kgaolo ya uMzinyathi o sa tswa go etela lelapa la ga Dlamini go ntsha matshediso.

Mmasepala o solofeditse gape tshegetso e e mosola go ya kwa dithulaganyong tsa phitlho.

Mokgatlho wa Maskandi le one o kokoane go dikologa baratiwa ba ga Dlamini mo pakeng eno e e thata.

Dinaledi tsa Maskandi Khuzani le Ntencane ba ne ba etela legae leo go tla go ba tlotla ka Laboraro.

Go begwa fa diopedi tse pedi tse di ne di le teng fa tiragalo e e botlhoko e e amang Dlamini e diragala.

Mjolisi o ne a neela dikgomo di le pedi le nku go ya kwa dipaakanyong tsa phitlho.

Dithulaganyo tsa phitlho di tsweletse ga jaana jaaka balatedi, diopedi le baagisane ka bophara ba utlwile botlhoko ka Dlamini.

Naledi e e tlhatlogang ya Maskandi e tla bolokwa kwa legaeng la gagwe la Msinga kwa KwaZulu-Natal ka Lamatlhatso.