
Benjamin Dube o simolola loeto kwa ntle ga Spirit of Praise
Moopedi wa mmino wa efangele wa Aforika Borwa yo o gapileng dikgele, Benjamin Dube o itsisitse semmuso go tswa ga gagwe mo setlhopheng sa Spirit of Praise.
O simolola loeto lo lo fetolang botshelo jwa gagwe.
Gore a tsepamise mogopolo mo kgatong e e latelang ya go bidiwa ga gagwe.
Go ralala tiro ya gagwe e e itsegeng e e simolotseng mo masimologong a dingwaga tsa bo1980.
Dube o golotse dialebamo tse dintsi tse di fitlheletseng maemo a gauta le polatinamo.
A tiisa maemo a gagwe jaaka motho yo o itsegeng thata mo lebaleng la efangele la Afrika Borwa.
Mmino wa gagwe ga o a tuma fela mo dinageng tsotlhe.
O dira gore molaetsa wa ga Keresete o utlwiwe ke batho mo lefatsheng lotlhe.
Kitsiso e, e e ntshitsweng ka polelo ya Dube Connection.
E gatelela maikaelelo a gagwe a go atolosa bodiredi jwa gagwe le go tsaya karolo ya go nna mogakolodi mo kokomaneng e e latelang ya bataki ba efangele.
Mo puisanong e e tswang mo pelong, Dube o ne a akanya ka dingwaga tsa gagwe le Spirit of Praise.
A gatelela gore tshwetso ya go tsamaya e ne e se motlhofo.
Go tlhalosiwa gore kgato e e latelang e tla akaretsa e seng fela go atolosa bodihedi jwa gagwe ka namana.
Mme gape le tiro e e botlhokwa ya go godisa bokgoni jo bo golang mo mminong wa efangele.
BUISA GAPE: Bakaulengwe bag a Menendez ba tla ya kgotlhetshekelong
Motswedi: http://www.msn.com
Thanolo ka ga Onkarabile Manganye
