
Lesaka: Leina le le Lengwe, Ditsela di le Dintsi tsa go Direla
Leina le le lengwe: Lesaka. Ditsela di le dintsi tsa go go direla. Kwa o leng teng, re teng.
Maina ao a setse a tlwaelegile mo bathong: Kazang, EasyPay, Adumo, Cash Connect le Recharger.
Gompieno, tsotlhe di kopane ka fa tlase ga leina le le lengwe, Lesaka.
Ga se khampani e ntšha. Ke tirelo e o setseng o e tshepa, jaanong e kopantswe gore e kgone go go direla botoka le go thusa metse e e ntseng e e direla.
Tsholofetso ya Lesaka e bonolo: “Kwa o leng teng, re teng.” Ga re emele gore bareki ba tle kwa go rona.
Re dira kwa batho ba tshelang, ba berekang le go gweba teng, kwa dikgwebong tsa spaza, maemong a ditekesi le mo mabenkeleng a cash and carry.
Lesaka e gokagane thata le metse ya rona. Batho ba ba fetang dimilione di le pedi mo Aforika Borwa ba amogela dithuso tsa bona tsa puso ka akhaonto ya Lesaka, fa baamogedi bangwe ba dithuso tseo ba setse ba bone dikadimo ka Lesaka.
Gape, malapa a a fetang 750 000 a sireleditswe ke inshorense ya phitlho ya Lesaka.
Mo kgwebong ya rona ya bagwebi, dikgwebo tse di fetang 130 000, go akaretsa dikgwebo tsa spaza, mabenkele, cash and carries, diteishene tsa peterole le mafelo a dijo, di dirisa Lesaka letsatsi le letsatsi go dira dikgwebo tsa tsona di sireletsege, di bereke sentle le go dira poelo e ntsi.
Re ba naya ditirelo tsa go amogela ditefelo ka dikarata, taolo ya madi, thuso ya madi a kgwebo, mananeo a khomphiutha le ditirelo tsa prepaid.
Go sa kgathalesege gore o tlamela lelapa la gago kgotsa o tsamaisa kgwebo, tsotlhe di wela mo dilong tse tlhano:
Duela: Duela dikoloto, airtime, data le motlakase kwa lefelong la kgwebo mo motseng wa gago.
Amogela: Amogela thuso ya gago ya puso, tuelo ya gago kgotsa madi a o a duelwang ke bareki ba gago ka pabalesego le ka boikanyego.
Adima: Bona kadimo ya motho ka nosi e e tsamaisiwang go ya ka melao, go thusa ka ditshenyegelo tse di botlhokwa jaaka dituelo tsa sekolo kgotsa rente.
Bagwebi le bone ba ka bona madi a go reka setoko sa kgwebo.
Itshireletse: Bona inshorense ya phitlho e e bonolo le e e duelesegang go sireletsa lelapa la gago.
Godisa: Bona thuso ya madi le didirisiwa tse di ka thusang kgwebo ya gago kgotsa kgwebo e nnye ya fa thoko go gola le go nna sengwe se segolwane.
Leina le le lengwe, Lesaka — ditsela di le dintsi tsa go go direla.
You Kwa o leng teng, re teng.
Go bona tshedimosetso e nngwe, etela www.lesaka.tech
