
Icebolethu e Tshegetsa Crown Gospel Music Awards
Tiragalo e kgolo ya dikgele tsa mmino wa Baebele mo Aforika Borwa e tsene mo motlheng o montšha morago ga go itsise motshegetsi wa yona o montšha, Icebolethu.
Morago ga dingwaga di le 19 e goketse diketekete tsa barati ba mmino wa Baebele, tiragalo eno jaanong e tla bidiwa semmuso Icebolethu Crown Gospel Music Awards.
Bishop Mpendulo Nkambule o rile tirisanommogo eno le Icebolethu e tla solegela batho ba le bantsi, go akaretsa badiri ba moriri, ba makeup le batho ba bangwe ba ba dirang kwa morago ga diketsagalo.
Dr Nomfundo Mcoyi-Zondo o kopile bagwebi bantsho go tshegetsana go na le go senyana.
O kopile gape puso go tshegetsa Icebolethu Crown Gospel Music Awards gore tiragalo eno e tswelele go gola.
O boletse gore kamano ya gagwe le Crown Gospel Music Awards e simologile dingwaga tse dintsi tse di fetileng fa a ne a dira gaufi le mothei wa dikgele, mogolwane o a tlhokafetseng Zanele “MaZet” Mbokazi.
Icebolethu Crown Gospel Music Awards e tla tshwarwa ka 15 Ngwanatsele kwa Durban ICC.
