
Refilwe o Ikaeletse go Gapa Mmino wa R&B mo Afrika Borwa
Refilwe Maitisa o re o ikaeletse go nna mongwe wa dibini tse dikgolo mo mminong wa R&B mo Aforika Borwa.
Mosetsana o wa dingwaga di le 28 o re mmino, terama le feshene tsotlhe di mo thusa go aga modumo wa gagwe o o ikgethileng.
Refilwe o boletse gore lorato lwa gagwe lwa go opela lo simolotse kwa sekolong le kwa kerekeng.
Morago ga moo o ne a ithutela terama kwa Los Angeles le New York, sengwe se a reng se mo thusitse go itse gore ke mang le gore o batla go bua eng ka mmino wa gagwe.
Pina ya gagwe e ntšha, Done, e bua ka go fitlha kwa bokhutlong jwa seemo sengwe le go tsaya tshwetso ya go tswela pele.
Le fa molaetsa wa yone o le botlhoko, pina e dirilwe ka mokgwa o o itumedisang.
- BUISA GAPE: Thapelo Maseko o Gaufi le Goya Europe
Refilwe o re jaanong o iketleeleditse go itsise Aforika Borwa mmino wa gagwe le go dira gore batho ba ikutlwe ba bonwa le go tlhaloganngwa ka dipina tsa gagwe.
