Mokgwa Wa Go Phela

Dikopo tsa Baithuti ba Booki di tswalelwa ka 30 Diphalane

Batšha ba ba batlang go nna baoki ba na le go fitlha ka 30 Diphalane 2026 go dira dikopo tsa go tsena mo Gauteng College of Nursing ka 2027.

Lefapha la Boitekanelo la Gauteng le re baithuti ba ba atlegileng ba tla ithutela Diploma in Nursing mo dikhamphaseng tse nne, e leng Ann Latsky, Bonalesedi, Chris Hani Baragwanath le SG Lourens.

Mmueledi wa lefapha, Steve Mabona, o tlhalositse gore bakopi ba tshwanetse go nna baagi ba Aforika Borwa, ba nna kwa Gauteng e bile ba feditse matric mo porofenseng eno.

Batho ba ba setseng ba amogela madi a thuso ya dithuto go tswa mo pusong, go akaretsa NSFAS, kgotsa ba ba ikwadisitseng kwa ditheong tsa thuto e kgolwane, ga ba letlelelwe go dira kopo.

Bakopi ba tshwanetse go nna le Senior Certificate, National Senior Certificate kgotsa National Certificate (Vocational) Level 4, mme ba fitlhelele ditlhokego tsa go amogelwa.

Dikopo di tshwanetse go romelwa mo inthaneteng fela kwa
https://nursingintake.gauteng.gov.za/

Bakopi ba tshwanetse go tsenya dikhopi tsa ID le setifikeiti sa matric tse di netefaditsweng, ka mokgwa wa PDF.
Mabona o gateletse gore ga go na dikopo tse di tla amogelwang ka go itlhagisa kwa dikantorong.

Lefapha le tla ikgolaganya fela le bakopi ba ba atlegileng.
Ba ba tlhophilweng ba tla dira diteko tsa tlhaloganyo, tlhatlhobo ya boitekanelo le go netefadiwa ga ditokomane tsa bone.

Baithuti ba ba amogelwang ba tla saena tumalano ya dithuto le kholetšhe mme ba dire tiro ya go ithuta ka go dira, go akaretsa tiro ya bosigo, mafelobeke le malatsi a boikhutso a setšhaba.

Lefapha le gakolotse gore dikopo tsotlhe ke mahala, mme ga go na tuelo ya go dira kopo kgotsa ya go amogelwa. Bakopi ba ba nang le dipotso ba ka leletsa GCON Central Office mo go 060 541 4973.

Batšha ba ba batlang go nna baoki ba na le go fitlha ka 30 Diphalane 2026 go dira dikopo tsa go tsena mo Gauteng College of Nursing ka 2027.

Lefapha la Boitekanelo la Gauteng le re baithuti ba ba atlegileng ba tla ithutela Diploma in Nursing mo dikhamphaseng tse nne, e leng Ann Latsky, Bonalesedi, Chris Hani Baragwanath le SG Lourens.

Mmueledi wa lefapha, Steve Mabona, o tlhalositse gore bakopi ba tshwanetse go nna baagi ba Aforika Borwa, ba nna kwa Gauteng e bile ba feditse matric mo porofenseng eno.

Batho ba ba setseng ba amogela madi a thuso ya dithuto go tswa mo pusong, go akaretsa NSFAS, kgotsa ba ba ikwadisitseng kwa ditheong tsa thuto e kgolwane, ga ba letlelelwe go dira kopo.

Bakopi ba tshwanetse go nna le Senior Certificate, National Senior Certificate kgotsa National Certificate (Vocational) Level 4, mme ba fitlhelele ditlhokego tsa go amogelwa.

Dikopo di tshwanetse go romelwa mo inthaneteng fela kwa
https://nursingintake.gauteng.gov.za/

Bakopi ba tshwanetse go tsenya dikhopi tsa ID le setifikeiti sa matric tse di netefaditsweng, ka mokgwa wa PDF.
Mabona o gateletse gore ga go na dikopo tse di tla amogelwang ka go itlhagisa kwa dikantorong. Lefapha le tla ikgolaganya fela le bakopi ba ba atlegileng.