Batho ba ba itsegeng

Emtee o Golotswe ka Beile

Mthembeni “Emtee” Ndevu o golotswe ka beile ya R2 000 morago ga go tlhagelela kwa Midrand Magistrates’ Court.

Go gololwa ga gagwe go tlile morago ga gore mosadi yo ba sa tlhole ba nna mmogo, Nicole Chinsamy, a gogelotse semmuso kgetsi ya tlhaselo e a neng a e mo buletse.

Go ya ka dipego, Chinsamy o tlhaloseditse kgotlatshekelo gore o goga kgetsi eno ka ntlha ya boiketlo jwa bana ba bone.

Bobedi jono bo na le bana ba le bararo, mme kgaogano ya bone e ntse e le mo matlhong a setšhaba ka lebaka la dikganetsano tse dintsi le tsitsipano e e sa khutleng.

Mathata a bosheng a ga Emtee a simolotse fa beile ya gagwe e phimolwa ka Phatwe, morago ga dipelaelo tsa gore o rometse melaetsa kwa go Chinsamy, le fa a ne a thibetswe go ikgolaganya nae.

Kgetsi eo e amana le protection order ya 2023 e e neng ya mo thibela go mo sotla ka mafoko kgotsa go mo tshwenya, le mo mecheng ya bojanala.

Leo ga se lekgetlo la ntlha mo ngwageng ono a tsenngwang mo ditlamong ka ntlha ya taelo eo. Ka Seetebosigo o kile a robala bosigo bo le bongwe mo kgolegelong pele a fiwa beile ya R1 000.

Ka nako eo, o ne a laelwa gape gore a se ka a buisana le Chinsamy kgotsa go kwala ka ene mo social media.

Le fa Emtee a setse a le kwa ntle, kgotlatshekelo e sa ntse e mo laela go ikobela tsotlhe tse di mo taelong.
Bobedi Emtee le Chinsamy ba kile ba latofatsana ka tirisodikgoka, mme ga go na ditshwetso tsa bosenyi tse di kileng tsa begwa kgatlhanong le mongwe wa bone.

Emtee o ne a tsenya kopo ya tlhalo ka 2023, morago ga poelano le ngwana wa boraro, ba ne ba kgaogana gape.