Kevin Hart O Tsaya Kgato Ya Molao Kgatlhanong le Motlatsa-Gagwe wa Pele

Kevin Hart o dira ditlhogo tsa dikgang morago ga gore a tseye kgato ya molao kgatlhanong le motlatsa-gagwe wa pele, Miesha Shakes.

Kevin o latofatsa Shakes ka go roba tumalano ya sephiri, e e neng e mo thibela go senola tsotlhe tse a di itseng ka botshelo jwa gagwe le tsotlhe tse di amanang le tiro ya gagwe.

Shakes o ne a buisana le mmogi wa dikgang Tasha K, mme mo potsolotsong eo go ne ga tlhagisiwa ditatofatso tsotlhe tse di amanang le botshelo jwa ga Hart.

Kevin ore tsotlhe tseo di sentse leina la gagwe mme di robile tumalano e Shakes a neng a e saenile fa a ne a mo direla.

Kevin o batla gore kgotla e mo duelele madi a a ka nnang didolara di le 50 000 ka ntlha ya go roba tumalano eo.

Kgang eno e tsweletse go gapa maikutlo a batho mo lefatsheng la boitlosobodutu, mme ba le bantsi ba letetse go bona gore kgotla e tla dira tshwetso efe mo kganong eno e e tsosang kgang.

BALA LE: Ditshwantsho Tsa Aaron Moloisi Di Tsosa Dipotso