mmino

K’zee Donga O Iketleeditse Go Golola Pina Ya Gagwe Ya Ntlha

Moopedi le mokwadi wa dipina K’zee Donga o iketleeditse go golola pina ya gagwe ya ntlha, Friday Night, mo ditirelong tsotlhe tsa go gasa mmino ka la 10 Phukwi.

Morago ga dingwaga tsa go kwala dipina a sa itseye phatlalatsa, jaanong o ikemiseditse go itsise lefatshe talente ya gagwe.

K’zee Donga, yo o tsholetsweng kwa Soweto, o rile go ikgogomosa le go ipelaela ka bokgoni jwa gagwe go ne ga dira gore a fitlhe dipina tsa gagwe mo khomputareng ka dingwaga di le dintsi.

O simolotse go kwala pina ya gagwe ya ntlha a na le dingwaga di le robedi, morago ga go lebelela filimi ya Titanic.

Moragonyana o ne a nna karolo ya diterama le dipontsho tsa mmino kwa sekolong, tsotlhe di mo thusa go godisa bokgoni jwa gagwe.

Pina ya Friday Night, e e kopanyang medumo ya Amapiano le House, e dirilwe mmogo le Airburn Sounds le CPT Switch.

K’zee Donga o re o solofela gore pina eno e tla rotloetsa batho go itumelela botshelo le go dumela mo ditorong tsa bone.