Batho ba ba itsegeng

Nobuhle Nkabane O Tlhophiwa Gape Mo Palamenteng

Dr Nobuhle Nkabane o tlhophilwe e le modulasetilo wa nakwana wa Komiti ya Palamente ya Temothuo, morago ga gore modulasetilo wa pele, Dina Pule, a tlhomiwe go nna Tona ya Tlhabololo ya Loago.

O tla dira tiro eno go fitlha go tlhophiwa modulasetilo wa leruri ka kgwedi ya Phatwe.

Tlhopho ya gagwe e diragetse go ya ka Melawana ya Palamente, mme o tlhophilwe a sa ganediwe ke leloko  la komiti.

Fa a amogela tiro eno, Nobuhle Nkabane o lebogile maloko a komiti ka tshepo e ba mo bontshitseng yona.

O rile o tla dira tsotlhe tse a ka di kgonang go baakanyetsa dikopano tse di tlang, tsotlhe di akaretsa dipuisano le di-MEC mabapi le bolwetse jwa Foot and Mouth Disease jo bo amang diruiwa.

Go tlhomiwa ga gagwe go tla morago ga ngwaga o a tlositsweng mo maemong a Tona ya Thuto e e Kwa Godimo, mme jaanong o simolola karolo e ntšha ya boeteledipele mo Palamenteng.