Mapaseka Koetle O Laela Dintle Morago ga Dingwaga Tse 13

Mapaseka Koetle o kwadile molaetsa o o amang maikutlo go laels sentle moanelwa wa gagwe wa Dintle Nyathi morago ga go fela ga lenaneo la Scandal! morago ga dingwaga di le 21 mo thelebisheneng.

O ne a re Dintle ke moanelwa yo o mo fetotseng botshelo mme a mo thusa go gola e le mosadi le motshameki.

Mapaseka Koetle o tsene mo lenaneong ka 2013 mme Dintle ya nna mongwe wa baanelwa ba ba neng ba ratiwa le go tsosa dikgang thata lenaneong.

Mo dingwageng tsotlhe tseo, balatedi ba bone Dintle a feta mo ditekong, diphoso, lorato le katlego, tsotlhe tsotlhe di mo dira mongwe wa baanelwa ba ba sa lebalegeng mo lefatsheng la ditiragalo tsa mo gae.

Mo molaetseng wa gagwe, Mapaseka o lebogile badiredimmogo, batlhagisi le balatedi ba ba mo emeng nokeng mo loetong lono.

Go tloga ka nako eo, melaetsa ya lorato le ditebogo e ne ya tshologela mo mecheng ya puisano, fa balatedi ba le bantsi ba dumela gore Dintle o tla nna mongwe wa baanelwa ba bagolo mo hisitoring ya ditiragalo tsa Aforika Borwa.