Gayton McKenzie o a ikarabela

Gayton McKenzie o ne a itebaganya le batho ba ba neng ba mo kgala ba re wa ‘kgetholola’.

Morago ga gore go phasaladiwe diphatlhatiro mo lefapheng la gagwe tse di neng di sa akaretse batho ba bantsho.

McKenzie o ne a bua mo metsweding ya dikgang ka Labobedi.

“Ga nkitla ke kgona go etelela pele lefapha le le sa emeleng setšhaba. Ke latofadiwa ka tlhaolele ke batho ba tota ba tlhokang go iteba mo seiponeng.”

O ne a bolela gore mo badiring ba le 586 ba DSAC, ba le 531 e ne e le Bantsho, ba le 32 e le Basweu, ba le 19 e le ba mmala le ba le banè e le Baindia.

McKenzie o ne a araba fa a tshwaiwa phoso ka go bolela gore o eme merafe yotlhe nokeng.

“Fa ke lemoga gore batho ba merafe e mengwe ba a itlhokomolosiwa. Ga se gantsi ba fiwang sebaka sa go bona tiro. Ke boikarabelo jwa me go baakanya seo, ke baakanya dilo. Ke batla gore merafe yotlhe e nne le kemedi mo Lefapheng le ke le eteletseng pele”

General Industries Workers Union of South Africa (GIWUSA) e ne ya kopa gore McKenzie a tlosiwe mo setheong sa DSAC.

Mametlwe Sebei wa GIWUSA, o ne a re: “Ke tiro e e maswe thata ya go kgaphela kwa thoko batho ba Afrika le go tlola molao ka tlhamalalo”.

McKenzie o ne a tshegetsa papatso eo mo metsweding ya go ikgolaganya le batho.

“Batho ba ba mmala, basweu le Baindia le bone ba tshwanetse go nna le ditshono tsa go bona ditiro. Ga o ka ke wa ntshosetsa ka go bua ka Makgotla a a Kopaneng. Ga nkitla ke ikgogela morago kana ke ikwatlhaela seo”, o ne a rialo.

BUISA GAPE:Athol Fugard o tlhokafala a le dingwaga di le 92

Source: www.msn.com

translator: Onkarabile Manganye