Zanele Potelwa o boela mo Tropika Island of Treasure Season 12

Zanele Potelwa o boetse semmuso jaaka moamogedi wa Tropika Island of Treasure Season 12, mme seo se solofetsa go tlisetsa barati ba lenaneo monyaka gape.

Potelwa o boela mo lenaneong morago ga go tlhophiwa mo SAFTA mo legorong la Best TV Presenter ka season e e fetileng.

O tla boela a etelele lenaneo pele ka maatla, mofuthu le boitshimololedi jo bo dirileng gore a ratwe ke babogedi ba Mzansi.

Season eo e rekotilwe kwa Réunion Island, mo lewatleng la Indian Ocean, kwa baphadisani ba tla lebanang le diphephetso tse di tlhokang nonofo ya mmele, boitshoko, maano le tirisano mmogo.

Setlhopha sa dinaledi se akaretsa Nadia Nakai, Caster Semenya, Francois Hougaard, Leandie du Randt, Sandile Mahlangu, Amanda du-Pont, Lalela Mswane le Wiseman Mncube.

Ba tla kopanngwa le baphadisani ba le robedi ba setšhaba, ba maina a bone a iseng a itsisiwe.

Sveti Kovatcheva, Brand Manager wa Dairy Fruit Mix kwa Clover, o re season eno e tla tsweletsa molaetsa wa boitshimololedi, kgolagano le maitemogelo a a sa lebalegeng.

Tropika Island of Treasure Season 12 e tla simolola ka Laboraro, 23 September ka 21:00 mo SABC 1, mme e boeletswe ka Labone ka 18:00.