Cassper o keteka tswelelopele ya Kusho Bani

Cassper Nyovest o busetsa sereto sa gagwe sa go nna kgosi ya hip hop ya Afrika Borwa.

Cassper o dirile modumo ka pina ya gagwe ya bofelo, Kusho Bani.

Pina e e fetogileng pina ya setšhaba mo diforamong di le mmalwa tsa tlhaeletsano.

Moopedi wa dipina tsa repe yo o gapileng dikgele e bong Cassper Nyovest o itumetse thata.

Morago ga gore pina ya gagwe e e itsegeng thata e e bidiwang Kusho Bani e nne le tumo

Naledi e e sa tswang go keteka pina e e fitlheletseng dimilione tsa batho, e ne ya ya kwa metsweding ya yone ya dikgang go keteka fa Kusho Bani a ne a le mo maemong a ntlha mo go tse 30 tse di kwa godimo tsa Metro FM.

Mufasa o ne a leboga Modimo.

A mo leboga go bo a arabile thapelo ya gagwe ya go batla go golola pina e e tumileng.

Leno ga se lekgetlho la ntlha naledi eno e bua ka go rapelela pina e e tumileng.

Modiri wa pina ya Amademoni o ne a senola pele gore o ne a rapelela temana ya molelo mo go Skuta Baba.

Cass gape o ne a leboga balatedi ba gagwe ka go tshameka pina eno mo metsweding e le mmalwa ya dikgang le go nna le seabe mo kgwetlhong ya Hosh Karamaima.

Buisa Gape: Naomi Campbell o boka Thebe Magugu

Source:http://briefly.co.za

Translator: Onkarabile Manganye