
Baitseanape Ba Rotloetsa Batho go Tshegetsa Botsogo Jwa Bone fa Ba Ntse ba Tsofala
Kwa Singularity Summit South Africa, e e neng e tshwaretswe kwa Sandton Convention Centre, Dr Cathy Davies, ngaka le moitseanape wa go tshegetsa botsogo fa batho ba ntse ba tsofala, le Kim Hullet, CEO wa Biosciences, ba buile ka botlhokwa jwa go fetola tsela e batho ba lebang botsofe ka yone.
Ba tlhalositse gore ga go a lekana go tshela dingwaga tse dintsi fela, mme go botlhokwa go tswelela o itekanetse e bile o kgona go dira dilo ka boikemelo fa o ntse o tsofala. Seo se bidiwa “peak span”.
Davies o ne a naya kgakololo ka khutshwafatso ya DWYMTY, e e kayang gore batho ba latele dithuto tsa motheo tse ba di rutilweng ke bommaabone. O gateletse botlhokwa jwa go robala sentle, go ja dijo tse di nang le dikotla, go bona marang a letsatsi la mo mosong le go hema sentle.
O tlhalositse pharologanyo magareng ga “lifespan”, e leng boleele jwa botshelo, “health span”, e leng nako e motho a tshelang a itekanetse, le “peak span”, e leng go boloka bokgoni jwa mmele le tlhaloganyo bo le kwa godimo ka nako e telele.
Fa a bua ka dipatlisiso tsa go oketsa boleele jwa botshelo, Davies o umakile ditsela tse di jaaka gene therapy, go akaretsa dipatlisiso ka Klotho gene, mmogo le dikgang tsa boitsholo le melawana e e laolang dipatlisiso tsa kalafi.
Le fa go ntse jalo, Davies le Hullet ba tlhagisitse ka dikotsi tsa go dirisa di-peptide tse di rekilweng mo metsweding e e sa ikanyegeng le go di ikenta motho a sa tlhokomelwe ke baitseanape.
Davies o gateletse gore go botlhokwa go netefatsa gore melemo e tswa kwa motsweding o o ikanyegang, e bolokwa sentle e bile e dumalana le melawana ya SAHPRA, e e laolang ditlhagiswa tsa boitekanelo mo Aforika Borwa.
Molaetsa wa bone ke gore batho ba tshwanetse go simolola ka metheo ya botsogo pele ga ba leka ditsela tse di raraaneng tsa go lwantsha botsofe.
