
Kgotlatshekeloe tlaa reetsa boikuelo jwa bogosi jwa MaZulu
Letlhakore la lelapa la bogosi la MaZulu le le gwetlhang kgosi Misuzulu go tlhatlogela mo setulong sa bogosi le na le tshepo ya gore Kgosana Simakade kgabagare o tla nna kgosi ya MaZulu.
Kgosana Thokozani Zulu, o rile letlhakore la bone le tshepile thata gore Kgotlatshekelo Kgolo ya Boikuelo kwa Bloemfontein e tla tshegetsa katlholo ya Moatlhodi wa Kgotlatshekelo Kgolo ya Pretoria, Norman Davis.
Kgang eno e tla reediwa ka di 28 le di 29 tsa kgwedi e e tlang.
Ka 11 Sedimonthole 2023 moatlhodi Davis o ne a beela kwa thoko kamogelo.
- BUISA GAPE:Val Kilmer o tlhokafetse ka dingwaga dile 65
Seno ka ntlha ya gore moporesidente Cyril Ramaphosa o ne a tshwanetse go tlhoma komiti ya patlisiso.
Go lebelela gore a kgosi e ne e tlhophilwe go ya ka meetlo ya MaZulu.
Le fa go ntse jalo, moporesidente o ne a ikuela kgatlhanong le tshwetso eo.
Zulu a re letlhakore la gagwe le akanya gore le tshwanetse go itsise setšhaba sa MaZulu le setšhaba gore kgotlatshekelo e tlhomile letlha la go dira boikuelo.
“Re na le tshepo ya gore Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo e tla tshegetsa tshwetso ya Kgotlatshekelokgolo ya Pretoria.
Re ipaakanyeditse kgetsi eno.
Setlhopha sa rona sa babueledi se ipaakantse.
Re ntse re tsaya gore kopano e e neng ya swetsa ka go tlhophiwa ga kgosana Misuzulu go nna kgosi e ne e sa rulaganngwa sentle”, ga bua Zulu.
Letlhakore la ga Kgosana Simakade le Kgosana Mbonisi ba ne ba ya kwa Kgotlatshekelokgolo ya Pretoria.
Kgang e ne ya reediwa ka Diphalane 2023.
Matlhakore oo mabedi a ne a batla gore dithulaganyo tsa go tlhoma kgosi di simololwe sesha.
Motswedi:http://www.msn.com
Thanolo ka ga Onkarabile Manganye
