
Muzi the Mbuzi wa Big Brother Mzansi o tlhalosa moaparo wa gagwe
Yo o neng a lelekwa mo Big Brother Mzansi e leng Muziomhle “Muzi the Mbuzi” Mdluli a re tsela e a neng a lebega ka yone e ne e sa amane ka gope le go batla tlhokomelo mme go na le moo e ne e le go keteka botho jwa gagwe.
“Ga ke ipeele melelwane fa go tla mo fesheneng.
“Ke ntse ke dira ka tsela eno go tloga ka 2017, mme lona lo setse lo simolola go dira jalo”, go ne ga rialo motaki wa dingwaga tse 29.
“Gantsi batho ba bona setshwantsho seno e le sa me ke batla go tlhokomelwa mme nna ke motho yo o nang le ponelopele e bile ke bona dilo pele ga batho ba bangwe, ka jalo ke Papa Smurf”.
Mdluli o ne a re go ntshiwa ga gagwe mo ntlong go ne ga mo gakgamatsa thata.
“Ke na le mathata a mantsi. Ke swabile thata go bo ke sa tlhole ke le mo kgaisanong eno.
BUISA GAPE:Â Nota o bua morago ga gore ditatofatso tsa petelelo di latlhiwe
Ke ne ka tsenya madi a mantsi mme ka lekgetlho la ntlha fa ke ne ke tlhophiwa ke ne ka lelekwa, bogolo jang ka ntlha ya mabaka a a sa siamang”, Mdluli o ne a rialo.
- Source: SowetanLiveÂ
- Translator: Onkarabile Manganye
