
Shaka iLembe e nale setlha sa bobedi!
Go ema go fedile! Bontsi jwa balatedi ba terama e gapang sekgele ya Shaka iLembe ga ba kgone go leta go bona motshameko o mosha. Bosheng jaana, go ne ga itsisiwe semmuso gore setlha sa bobedi se tswile. Se tla simolola ka Sontaga, 15 Seetebosigo 2025 mo Mzansi Magic channel 161 mo DSTV.
Jabu Macdonald o ne a kwala ka kitsiso ya bosheng mo tsebeng ya gagwe ya Twitter (X). O ne a kwala jaana:
“Thulaganyo ya terama ya Mzansi Magic e e neng ya gapa sekgele sa SAFTA ya bo18.Ke bua ka Shaka iLembe, e boela gape ka Setlha sa Bobedi sa yone. Se tla simolola ka 15 Seetebosigo 2025. Ditokololo tse di boang tsa Setlhopha: Nomzamo Mbatha, Lemogang Tsipa, Khabonina Qubeka, Dawn Thandeka King, Wiseman Mncube le Thembinkosi Mthembu.“
“Motlha ono o solofetsa gore go tla nna le dintwa tse dikgolo le go feta. Go tla nna le dipontsho tse di kgatlhang thata. Ditiragalo tsa ntwa tse di kgatlhang thata fa Kgosi Shaka the Conqueror a ntse a lebana le dikgwetlho tse dikgolo go gaisa tsotlhe tse a kileng a lebana le tsone. Ke swegaswega pelo go bona gore ke mang yo o tla tsenngwang mo setlhopheng seno. O akanya gore ke mang yo o tla nnang le seabe? #ShakaILembeS2. “
BUISA GAPE: https://boitumediso.co.za/2025/03/03/gogo-skhotheni-le-gogo-maweni-ba-entse-kagiso/
Source: www.msn.com
Translator: Onkarabile Manganye
