
Persley Chweneyagae o tlhokafetse a nale dingwaga di le 40
Aforika Borwa e hutsafaditswe ke tatlhegelo ya motshameki yo o tumileng Presley Chweneyagae.
O tlhokafetse gompieno ka May 27, 2o25, a le dingwaga di le 40.
Chweneyagae o ne a itsege thata ka go tshameka mo filiming ya Tsotsi e e neng ya gapa Oscar.
O belegwe ka di 19 Diphalane 1984, kwa Mafikeng, o ne a tuma thata ka Tsotsi ka 2005.
Filimi eno e ne ya gapa Sekgele sa Academy sa Filimi e e Molemolemo ya Puo e Sele.
Mmaagwe o ne a mmitsa Presley ka leina la moopedi yo a mo ratang thata, e bong Elvis Presley.
Kwa ntle ga Tsotsi, o ne a tshameka mo difiliming tse di jaaka More Than Just a Game le Africa United.
O ne a tshameka Thuso “Cobra” Mokoena mo thelebisheneng e e tumileng ya Afrika Borwa ya The River.
Tiro ya gagwe ya bofelo e ne e akaretsa motseletsele wa Cobrizi, o o neng wa gasiwa mo Mzansi Magic.
Chweneyagae o ne a tshameka le mo metshamekong ya thelebishene, go akaretsa le e e buang ka Solomon Mahlangu.
-
BUISA GAPE:Â Ladysmith Black Mambazo: Loeto lwa go boela gae
Batshegetsi ba gagwe le badirimmogo le ene ba ile ba bontsha gore ba utlwisitswe botlhoko thata ke se se diragetseng mme ba ne ba mo akgolela bokgoni jwa gagwe.
Seabe sa gagwe mo difiliming le thelebišeneng ya Aforika Borwa se sa ntse se tlotliwa thata.
Go tla dirwa patlisiso ya morago ga loso go bona gore o bolailwe ke eng.
Presley Chweneyagae o tlogela boswa jwa go nna le dipina tse di maatla le go nna motho yo o tlhotlheletsang.
