Nota o bua morago ga gore ditatofatso tsa petelelo di latlhiwe

Modiragatsi wa mmino Nhamulo Nota Baloyi o buile morago ga gore molato wa petelelo kgatlhanong le ene o tlosiwe.

Itumeleng Bokaba o ne a gogela morago molato wa petelelo kgatlhanong le Nota, a bolela gore o tlhoka go tsepamisa mogopolo mo tirong ya gagwe.

Naledi ya maloba ya Rhythm City e ne ya ntsha polelo mo tsebeng ya gagwe ya Instagram ka Labotlhano gore o tlogela kgetsi eo go tlhoma mogopolo mo tshono e e botlhokwa ya tiro.

Bokaba o ne a tlhalosa gore tshwetso ya gagwe ga e fokotse maitemogelo a gagwe kgotsa ditatofatso.

O ne a re, go ikaegile ka gore a ineele ka botlalo mo kgaolong eno e ntšha ya botshelo jwa gagwe.

Bosheng jaana ke ne ka fiwa tshono e e molemo ya go dira tiro e e itumedisang.

E ke neng ke sa e lebelela mme gone ke itse gore e dumalana le boikaelelo jwa me.

 “Tiro e, e tlhoka gore ke tsepamise mogopolo, ke ineele, le gore ke nne ke le mo maemong a a siameng gore ke kgone go e dira ka bojotlhe jwa me”, o ne a rialo.

Fa a ne a bua le Sunday World, Nota o ne a bolela gore go tsaya dingwaga di le dintsi gore motho a itirele leina le lentle mme leina la gagwe lone le mo feta.

Gape o ne a bolela gore ga go na ope yo a mo ratang yo o neng a dumela ditatofatso tse a neng a latofadiwa ka tsone ka nako eo.

 “Ba lelapa la me ba ntse ba nkema nokeng mo maikutlong le mo go tsa madi.

 “Selo se se tshwenyang thata mo go nna ke gore mongongoregi o santse a akanya gore seno ke motlae.

Ga a tshwenyege ka botlhoko jo a bo baketseng nna le ba lelapa lanngwe

 “Gape le gore tsela e a tshwarang kgang eno ka yone e dira gore go nne le batswasetlhabelo ba mmatota,” go ne ga rialo Baloyi.