Naomi Campbell o boka Thebe Magugu

Modiri yo o itsegeng thata wa dimotlelara wa kwa Boritane e bong Naomi Campbell o sa tswa go boka mongwe wa bataki ba ba itsegeng thata ba mo Aforika Borwa, Thebe Magugu, a re ke mongwe wa bataki ba ba itsegeng thata mo madirelong a feshene.

Thebe Magugu ke moqapi wa feshene mo Afrika Borwa.

O gapile di awate di le dintsi.

Ke mong wa letshwao la feshene la Afrika Borwa.

Le itsege lefatsheng ka bophara le bidiwa ka ena.

Mo potsolotsong ya maloba le kgatiso ya kwa Boritane, “i-D Magazine”.

Campbell o ne a bodiwa ka batlhami ba basha ba a ba kgatlhegelang.

Mme o ne a senola gore Magugu ke mongwe wa bone.

“Mme gape go na le Thebe Magugu go tswa mo Afrika Borwa, yo o fetang feshene gotlhelele.

Lefelo la gagwe le lesha kwa Johannesburg ke le le ntle – karolo ya lone ke lebenkele, karolo ya lone ke lefelo la setso, le le tlhagisang dilo tse dingwe tse di tlhamilweng ka go dira dipontsho le dipanele, “

Campbell o ne a rialo.

Motlhami wa feshene o ne a dirisa Instagram go bua ka ntlo ya Magugu e Campbell a neng a bua ka yone mo potsolotsong ya gagwe.

“Magugu House (@maguguhouse) ke lefelo la rona le legolo la mabenkele.

lefelo la botaki le lefelo la mananeo a setso, le le leng kwa motseng wa Dunkeld kwa Johannesburg.

Magugu o ne a re: “Re simolotse tiro ya rona ka Motsheganong wa 2024 ka go fetola ntlo ya segosi ya Seesemane e e neng e agilwe ka bo1930 gore e nne lefelo la rona la setso le le nang le feshene, botaki, hisitori le ngwao-boswa”.

Buisa Gape:Siya Kolisi o mo khabareng ya makasine wa GQ

Source:http://www.msn.com

Translator: Onkarabile Manganye