
Muni Long O Senola Ntwa Ya Gagwe le Bolwetse
Muni Long o senotse ntwa e kgolo ya botsogo e e ileng ya mo pateletsa go tlogela loeto lwa mmino lwa The Boy Is Mine Tour pele lo fela.
O boletse gore bolwetse jwa gagwe bo ne jwa nna maswe thata mo a neng a bolelelwa ke dingaka gore o na le beke e le nngwe fela ya go tshela fa a sa amogele kalafi e e potlakileng.
Muni Long o nale bolwetse jwa Lupus, o ne a lwala pneumonia fa a ntse a le mo loetong lwa mmino le Brandy le Monica.
Morago ga go boela gae, o ne a tsosiwa kwa bookelong mme dingaka tsa mo raya gore o tlhoka go tsenngwa diphaphathi tse disha ka tshoganyetso.
Gompieno, Muni Long o re o fola sentle morago ga opereishene ya go tsenngwa diphaphathi tse disha.
- BUISA GAPE:Â Rachel Kolisi O Bua Ka Bomme, Phodiso le Boitumelo
O solofela go boa mo mminong fa dingaka di mo letla, mme o kgothaletsa batho go tlhokomela botsogo jwa bone pele ga sengwe le sengwe.
