Metshameko

Hugo Broos o Senola Lebaka la go Tlogela Bafana Bafana

Motsayakarolo wa pele wa Bafana Bafana, Hugo Broos, o senotse mabaka a a mo dirileng gore a tlogele tiro ya go etelela setlhopha sa bosetšhaba pele fa konteraka ya gagwe le SAFA e fela.

Hugo Broos o rile go nna kgakala le lelapa la gagwe ka nako e telele le go ikutlwa a le nosi fa a nna mo Aforika Borwa go mo dirile gore a tseye tshwetso ya go rola tiro mo kgweleng ya dinao.

Broos, o nale dingwaga di le 74, o tlhalositse gore go isa Bafana Bafana kwa Moitshamekong wa Lefatshe wa FIFA wa 2026 ke nngwe ya diphitlhelelo tse dikgolo mo botshelong jwa gagwe jwa kgwele ya dinao.

O rile ga a kitla a oketsa konteraka ya gagwe jaaka mokoetlisi wa Bafana Bafana.

Mo kopanong ya boraditaba kwa SAFA House, moporesidente wa SAFA Danny Jordaan o lebogile Broos ka seabe sa gagwe mo kgweleng ya dinao ya Aforika Borwa.

Broos o ne a tlhomiwa ka 2021 mme a thusa Bafana Bafana go fenya kgaisano ya boronse mo AFCON 2023 le go nna nngwe ya ditlhopha tse di nonofileng mo Aforika.