
Hisitori ya Kgotlhang ya ga Tupac le Biggie
Hisitori ya mmino wa hip-hop ga e kitla e lebala kgotlhang ya ga Tupac le Biggie. Kgotlhang e e neng ya tshosa intaseteri eno.
Tlhotlheletso ya yone e sa ntse e utlwala mo baithuting ba ba tshwanang le Nas. Nas o ne a tlotla ditlhamane tsa repe ka pina ya gagwe ya We Will Survive ya 1999.
Go sa utlwane ga ga Tupac Shakur le The Notorious B.I.G. (Christopher Wallace) e ne ya simolola fa Shakur a sena go thuntshiwa kwa Quad Recording Studios ka 1994.
Le mororo Wallace a ne a ganetsa, Shakur o ne a belaela gore o na le seabe.
Kganetsano e ne ya gakala fa Biggie a ne a re Who Shot Ya? Shakur a re Hit ‘Em Up. Se se ne sa gakatsa dikgotlhang fa gare ga East Coast le West Coast.
Kgotlhang e e ne ya godisiwa ke metswedi ya dikgang. Fa a ne a bua ka kgotlhang eno ka 1996 fa a ne a botsolotswa ke Angie Martinez wa XXL.
Biggie o ne a araba mafoko a a neng a lebisitswe kwa go ene, setlhopha sa gagwe, le Puff Daddy, a re:
Ga ke kgone go emisa ope, ga ke kgone go itaya ope. Ba akanya gore ba ka nna ba tsena mo go yone ba nyatsa Big le go nyatsa Puff le go dira dilo tse dinnye. Fa e le gore ke sone se ba tlhophang go se dira, ke sone se ba tlhophang go se dira.
BUISA GAPE: Benni McCarthy o bua ka go tila bojalwa ga gagwe
SOURCE: www.msn.com
TRANSLATOR:OnkarabileManganye
