Go Tyme ya ga Patrice Motsepe

Tyme Global, e e nang le ntlokgolo kwa Singapore, ke kampani e e tshwereng maikarabelo a go simolola dibanka tsa dijitale mo dinageng di le dintsi.

TymeBank mo Afrika Borwa, e ne ya dira gore e kgone go atolosa kgwebo ya yona kwa Asia ka go dira mmogo le GOtyme Bank kwa Philippines.

GOtyme e e simolotseng go dira ka Ngwanatsele wa 2022.

E ne ya gapa kgatlhego ka bonako.

Ya fitlhelela rekoto e e botlhokwa ya bareki ba le dimilione di le 5 ka Sedimonthole wa 2024.

Ka June 2024, GOtyme  e ne ya nonotsha maemo a yone kwa Philippines ka go reka Savii.

Savii ke moadimi wa dituelo.

 Kgato eno e thusa GOtyme go dirisa madi a yone ka go adima madi.

Thekiso eno ke kgato e e botlhokwa mo go goleng ga banka eno.

Tyme Global le yone e ntse e gatela pele kwa Vietnam.

Koo e leng mo dikgatong tsa go dira dikonteraka le balekane ba mo lefelong leo.

Kampani eno e leka go dira sengwe se se tla dirang gore e kgone go adima batho madi.

Seno se bontsha gore e ikemiseditse go ba naya tharabololo e e tla ba thusang mo mebarakeng.

Mo go tsa madi, Tyme Global e nnile le diphetogo tse di siameng.

Boleng jo bo siameng jwa peeletso ya yone bo ne jwa baakanngwa.

Buisa Gape:Cassper o keteka tswelelopele ya Kusho Bani

Source: http://www.msn.co.za

Translator: Onkarabile Manganye