
Go tlisiwa ga Bushiri mo Aforika Borwa
A Bushiri o tla isiwa kwa Afrika Borwa? NDPP Shamila Batohi a re ga e ise e nne phenyo
Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Tsheko wa Aforika Borwa (NPA) o amogetse katlholo ya Kgotlatshekelo ya Magiseterata ya kwa Malawi.
E ne e laela gore Shepherd Bushiri le mosadi wa gagwe, Mary Bushiri, ba isiwe kwa Aforika Borwa.
Bushiri le ba bangwe ba le bararo, ba ne ba lebane le kgetsi ya go tsietsa le go tlhatswa madi.
Go akaretsa le go betelela moruti yono yo o nang le tlhotlheletso e kgolo.
Ba Bushiri ba ne ba tlhagelela fa pele ga dikgotlatshekelo tse di farologaneng tsa Afrika Borwa ka 2020.
Banyalani bano ba ne ba fiwa beile go fitlha ba sekisiwa.
Ba ne ba palelwa ke go ikobela maemo a beile ya bone mme ba tshabela kwa Malawi.
Aforika Borwa e ne ya romela kopo ya go ba isa kwa Lilongwe.
E batla go ba isa kwa nageng ya bone go lebana le ditatofatso tse di akaretsang, go betelela, le tse dingwe
Ka Laboraro, Mokaedi wa Bosetšhaba wa Botšhotšhisi jwa Setšhaba, mmueledi Shamila Batohi.
O ne a re katlholo e e dirilweng ke Kgotlatshekelo ya Magiseterata e e kwa godimo kwa Malawi e ne e se phenyo.
E ne e le kgato ya botlhokwa.
“Ke akanya gore tota ke kgato ya ntlha e e botlhokwa.
Ga e ise e nne phenyo ka gonne go na le dikgato tsa boikuelo.
Ke tshwetso e e botlhokwa thata gore Bushiri le mosadi wa gagwe Mary ba isiwe kwa Afrika Borwa.
Ke akanya gore seno se supa gore sa ntlha tirisanommogo e e siameng magareng ga dinaga tse pedi.
Le gore jaaka Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Botšhotšhisi re na le bokgoni le maitemogelo a go dirisana le dinaga tse dingwe.”
Buisa gape:Gayton McKenzie o a ikarabela
Source:iol.co.za
Translator: Onkarabile Manganye
