
Dr Rebecca Malope o Keteka Letsatsi la Gagwe la Matsalo la bo 58
Naledi ya mmino wa go rorisa Modimo, Dr Rebecca Malope, o ketekile letsatsi la gagwe la matsalo la bo 58 ka moletlo o o tletseng lerato le tlotlo.
Lelapa, ditsala le batho ba ba mo ratang ba ne ba kopana go keteka mongwe wa ba bagolo mo mminong wa Baebele wa Aforika Borwa.
Moletlo o ne o rulagantswe ke bomorwadie, Noluthando le Thandeka, mme Rebecca Malope o ne a leboga tsotlhe tse di dirilweng go mo tlotla.
Baeng ba ba tumileng ba ne ba akaretsa Yvonne Chaka Chaka, Ihasi Elimhlophe, Khaya Mthethwa le Sana Mchunu.
Dr Malope o ne a gatsa mo moletlong ka mosese o montle wa bosweu le gauta o a neng a itirela one.
O rile go bona lerato le tshegetso go tswa go bataki le batho ba ba mo ratang go mo amile thata maikutlo, abo are o leboga go tlotlwa a santse a tshela.
O ne gape a akgola tsela e Modimo a mo eteleletseng pele ka yone mo loetong lwa gagwe lwa mmino lwa dingwaga tse di ka nnang masome a mane.
