
Benni McCarthy o bua ka go tila bojalwa ga gagwe
Mo potsolotsong ya bosheng mo Radio 2000, seteishene sa radio sa SABC. Benni McCarthy, motshameki yo o tumileng wa kgwele ya dinao wa mo Afrika Borwa.
Ke mokatisi yo o sa tswang go tlhomiwa wa setlhopha sa kgwele ya dinao sa naga ya Kenya, Harambee Stars. O ne a tlhalosa mabaka a gagwe a go bo a sa nwe bojalwa.
Tshwetso ya gagwe e theilwe mo go tlhaloganyeng kafa bojalwa bo ka amang dikamano tsa batho ka teng.
Tshedimosetso e ya ga McCarthy e re thusa go bona se se neng se mo diragaletse mo nakong e e fetileng. Dilo tse a di tsayang di le botlhokwa le maitlamo a gagwe a go tlhotlheletsa batho ka tsela e siameng.
McCarthy O goletse kwa Cape Town. O ne a lemoga mathata a a bakwang ke go nwa bojalwa a sa ntse a le monnye.
Boitshwaro jwa ga rraagwe jwa go rata ntwa fa a ne a nwa. Seno se ne sa ama McCarthy yo mmotlana thata.
McCarthy o gakologelwa sentle kafa bojalwa bo neng jwa senya lelapa la gagwe ka teng. Seno se akaretsa le tsela e rraagwe a neng a galefa ka yone.
Mokaedi yono wa dingwaga di le 42 o setse a tlhomile sekao se se molemo. O bontsha gore motho a ka kgona go dira ditshwetso tse di siameng.
BUISA GAPE:Mbuyiseni Ndlozi Kwa PowerFM
SOURCE:www.msn.com
TRANSLATOR: Onkarabile Manganye
