Batho ba ba itsegeng

Anele Zondo o Itumelela go Etelela Pele SAMA32

Anele Zondo o bontshitse boitumelo jwa gagwe morago ga go itsisiwe gore o tla etelela pele SAMA32 Industry Awards.

Tiragalo e e tla tshwarelwa kwa Sun City ka la 15 Phatwe e tla tlotla badiri  ba mmino ba ba dirang kwa morago ga diketsagalo, go akaretsa baprodyusa, badiredisi le baenjiniere ba modumo.

Zondo o rile o tsaya seno e le tlotlo e kgolo.

“Eo ke tlotlo mo go nna, dikgele tse di baya mo leseding batho ba ba dirang ka natla letsatsi le letsatsi go aga mmino wa Afrika Borwa, le fa bontsi jwa bone bo sa bonale thata mo setšhabeng,” go bua Zondo.

O okeditse ka gore boineelo, boitlhamedi le tiro e e bokete ya bone ke motheo wa mmino o o ketekwang mo nageng.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, Fresh By Caddy le Munaka Muthambi ba tla etelela pele red carpet ya semmuso ya SAMA32 mme ba tla buisana le bakgethiwa le baeng ba ba tumileng.

Mmueledi wa SAMA, Unati Gwija, o tlotlile batshwari bano ba bararo, a re mongwe le mongwe wa bone o tlisa bokgoni jo bo farologaneng mo meketeng ya ngwaga ono.