
Will Smith o ntsha alebamo
Will Smith o itse go itlhamela dilo sesha.
Moopedi yono yo o nang le ditalenta tse dintsi o na le masomesome a dingwaga a laola mo kgwebong eno ya mmino.
Go simolola ka rapper yo o kileng a gapa sekgele sa Grammy go fitlha ka naledi ya Hollywood e e tumileng thata.
Mme morago ga go nna le mathata mo botshelong jwa gagwe le mo tirong ya gagwe.
Smith o ne a boela kwa metsweding ya gagwe ya mmino ka alebamo ya gagwe e e tlang ya Based on a True Story.
Porojeke e a e tlhalosang e le tiro ya gagwe e e neng ya dira gore a akanye thata.
“E tota ke ditlamorago tsa go itlhatlhoba ga me ga ntlha,” Smith a rialo.
“Pina nngwe le nngwe e bua ka karolo nngwe ya me e ke e lemogileng.
Kgotsa e ke neng ke batla go e ithuta, sengwe se ke neng ke batla go se bolelela ba bangwe.
Ke mmino o o feletseng go gaisa otlhe o nkileng ka o tlhama.”
Alebamo e, e na le tirisanommogo le bataki .
Bataki ba ba jaaka Big Sean, Teyana Taylor, DJ Jazzy Jeff, le morwa wa gagwe Jaden Smith.
E tshwaya porojeke ya ntlha ya ga Smith ya studio mo dingwageng tse di ka nnang 20.
E tletse ka dipina tsa dikopelo tsa Baebele le mafoko a dipina a a dirang gore motho a akanye.
Based on a True Story ke bosupi jwa loeto lwa ga Smith lwa go iponela se a leng sone le go nna le nonofo ya go itshoka.
Tsela e le nngwe e a neng a bua ka yone e ne e tlhalosa molaetsa wa gagwe ka botlalo.
Buisa Gape:Mokwadi o ratiwang o tlhokafetse
Source:http://www.msn.com
Translator: Onkarabile Manganye
